KA GA

Ka ga

Mokgatlho wa Dipuo tsa Seaforika wa Borwa jwa Aforika (ALASA) o tlhamilwe ka 1979 e le o o sa tlhophololeng, o o sa direng morokotso, kwa khonforeseng e e neng e tshwerwe ke Lefapha la Dipuo tsa Seaforika la Yunibesithi ya Aforikaborwa (UNISA).

ALASA e na le maitlhomo magolo a le mabedi:

  1. go godisa  tirisano magareng ga babatlisisi, baithuti le barutabana ba dipuo tsa Seaforika le dikwalo, le
  2. go thusa mo kgodisong ya dipatlisiso, tlhabololo ya puo  le tiriso e e nonofileng ya puo e e buiwang le tlhaeletsano e e kwalwang mo baaging ba ba dirisang dipuo tse di farologaneng, sekao,  mo mererong e e tsamaisanang le go rulaganya puo le pholisi, pholisi ya thuto le kgokaganyo le ditheo tse di nang le dikgatlhego tse di tshwanang.

ALASA Tlhaeletsano ya 29 Motsheganong 2020: Go sutisiwa ga khonforesense ya 2020 ya Mokgatlho wa Nakwana wa Dipuo tsa Seaforika wa Borwa jwa Aforika (ALASA) go 2021.

Postponement of the 2020 Interim (ALASA) Conference to 2021

View

Follow the link to NISC’s site for the latest edition

view
ALASA

GO PHIMOLWA GA KHONFORENSE YA KGAOLO YA KAPA BOTLHABA YA ALASA

Go ya ka kiletso ya dikopano tsa batho ba ba fetang 100, jaaka e itsisitswe ke Moporesidente wa Naga,le tlhaeletsano ya dintlha ka botlalo go tswa mo Yunibesithing ka ga go sutisetsa dikhonforense tsa mo setheong le tsa kwa ntle ga setheo, re maswabi gonne re tshwanelwa ke go phimola khonforense ya rona ya kgaolo.

Re rata go lebogela matsapa a lo a tsereng a go dira dipaakanyo le go romela dintlha kakanyo tsa lona.

Jenale ya Aforika Borwa ya Dipuo tsa Seaforika e phasaladiwa ka dikamano le ALASA.

Latelela llinki ya mafaratlhatlha a NISC go bona kgatiso ya sešeng