Botokololo

Foromo ya Botokololo

Botokololo bo letleletswe batho ba e leng baithuti kgotsa baithuti ba ba ikwadisitseng  mme e bile ba le matlhagatlhaga mo dithutong tsa bona,ba dipuo tsa Seaforika le batho ba bangwe ba ba inyalanyang le maitlhomo le maikaelelo a Mokgatlho. Dituelo tsa ngwaga ga jaana ke R200 kgotsa US$60. Maloko a a duetseng dituelelo tsotlhe a amogela khophi ya dipalo tse pedi tsa SAJAL tsa ngwaga oo, gammogo le makwalo dikgang le ditaletso tsa go tsenela  Dikhonforense  le Diseminara.

Ntšhwafatso ya botokololo: botokololo bo ntšhwafadiwa ngwaga mongwe le mongwe. Maloko a tla amogela kitsiso ya go ntšhwafatsa go tswa go Motshwaramatlotlo. Kitsiso e tshwanetse go busediwa go motshwaramatlotlo (e golagangwe le dintlha tsa motshwaramatlotlo) mmogo le tšheke, otara ya poso ,kgotsa  selipi sa bopaki jwa tuelo e e maleba. Dituelo tsotlhe di lebiswe go ALASA. Motsholamatlotlo a itsisiwe ka go fetolwa ga aterese kgotsa dintlha tsa sebele tsa maloko.

O nna leloko jang: Bao ba nang le kgatlhego ba ka dira kopo ya go nna maloko a ALASA ka go tlatsa foromo e e maleba mme ba e romele ka tlhamalalo go Motsholamatlotlo mo mojapml@unisa.ac.za

Botokololo

Kopo ya ALASA ya 2022

Fitlhelela foromo ya kopo ya botokololo

leba