Molaotheo

BOTOKOLOLO

Go tla nna le mefama e e latelang ya botokololo:

  1. (1)Botokololo jo bo tlwaelegileng bo letla motho mongwe le mongwe yo o nang le dikerii ya Onase mo Dipuong  tsa Seaforika . Le fa go ntse jalo, lekgotla kgotsa Komiti ya Khuduthamaga,ba ka rebolela motho botokololo le fa a se na dithutego tse di maleba go ya ka tshwetso ya bona
  2. (2)Botokololo jwa tlotlego bo ka abelwa ke Lekgotla go batho ba ba nnileng le seabe se tswileng diatla mo mofameng le mo Mokgatlhong.
  1. (3)Botokololo  jwa ditheo bo buletswe ditheo tsotlhe. Dituelo tsa botokololo bo, e  tla nna gane go feta tsa maloko a a tlwaelegileng. Leloko lengwe le lengwe le tshwanelwa ke go amogela palo ya dikhophi di le tharo tsa tlaleletso tsa diphasalatso tsa ALASA fa  le dira kopo. Makwalo otlhe a romelwe go motho yo o rileng yo o emelang setheo  ka tsa botokololo . Leloko lengwe le lengwe la setheo le ka letlwa go tlhopha gangwe fela.
  1. (4)Botokololo jwa leruri  bo tla abelwa leloko lengwe le lengwe  le le tlwaelegileng la ALASA, fa fela leloko le tla bo le dueletse  dituelo di le some le borataro tsa botokololo jwa ngwaga  ka nako e e rileng.

Lekgotla le tla baya  seelo sa dituelo tsa boloko. Leloko le le duetseng dituelo ka nako le tla  amogela Jenale,gammogo le diphasalatso tse dingwe tsa Mokgatlho ka dituelo tse di fokoditsweng fa go kgonega.

Lekgotla le ka beela botokololo jwa leloko lengwe le lengwe kwa thoko nakwana ka ntlha ya mabaka a a rileng, sekao fa dituelo tsa lona di saletse kwa morago.

Maloko a a tlwaelegileng le a Tlotlego gammomogo le a ditheo go akaretsa le a leruri a ka diragatsa tshwanelo ya bona ya go tlhopha mo ditiragalong  dingwe le dingwe tsa Mokgatlho fa ba le teng ka namana .

BOTO/ LEKGOTLA

(1)Tsamaiso ya Mokgatlho e tla laolwa ke Boto e e nang le:

Modulasetulo

Maloko a mangwe a a robedi a a tlhophilweng

Maloko a tlaleletso

a a tla emelang  mefama e e farologaneng ya Dipuo tsa Seaforika le dikwalo mme  ba  nne  maloko a Mokgatlho.

(2)Boto e tla  tlhophiwa kwa kopanong ya kakaretso ya Mokgatlho, mme maloko a tla  dira dingwaga di le pedi.

(3) Maloko a a rolang tiro a kgona   go ka  tlhophiwa gape mme  bonnye halofo ya botlhanngwe jwa maloko a a rolang tiro ba tshwanetswe go tlhophiwa gape gore tsamaiso ya Mokgatlho e se amege.

(4) Modulasetulo a ka  dira  dipaka di le pedi tse di kologaneng ,mme a ka tlhophiwa gape fa paka ya dingwaga di le pedi e khutlile.

  1. (5)Khoramo e e amogelesegang ya  kopano ya boto  e tla nna  50% ya palogotlhe ya maloko a Boto.

(6)Boto e tla nna le dithata tsa go fetisetsa tiro ya yona go leloko le le tlhopilweng la Komiti ya Khuduthamaga.

    

(7)Boto e tla tlhopha Motlatsa Modulasetulo, Mokwaledi, Motsholamatlotlo,Mogokaganyi motseleganyi, Motseleganyi , Motlatsamodulasetulo ga mmogo le Motlhankedi yo o nyalanyang go tswa mo malokong a yona mme Mokwaledi, Motshwaramatlotlo, Mogokaganyi Motseleganyi le Motseleganyi, ba kwa tswa mo malokong a komiti kgotsa ba e seng maloko a Boto.

(8)Boto e tla nna le dithata tsa go tlhopha  maloko seša

(9)Maikarabelo a Boto e tla nna:

  1. Go netefatsa gore maikalelo a Mokgatlho a a diragadiwa.
  2. Go tlhokomela merero ya tsa matlole a Mokgatlho, go akaretsa go bula diakhaonto  tsa Lekgotla-kago   kgotsa tsa Banka go ya ka ditlhokego, go tlhokomela  direkoto tsa tiriso ya madi,  tlhagiso ya  diakhaonto tse di runnweng,jj.
  3. Go baya seelo sa dituelo tsa maloko a a farologaneng.
  4. Go tlhokomela ditsamaiso  tsa  diphasalatso tsa Mokgatlho go akaretsa go thapa  Badiri ba Botseleganyi.
  5. Go rotloetsa go  tlhamiwa ga makala a Mokgatlho.
  6. Go rulaganya le go tsaya maikarabelo a dikhonferense le/ dikopano dingwe le dingwe tsa Mokgatlho.
  7. Go gokaganya le go dirisana le ditheo tsa borutegi le tsa seporofešenale tse di nang le kgatlhego ya tsa dipuo.
  8. Go tlhopha dikomiti-potlana dingwe le dingwe  tse di ka tlhokeng go tsweletsa tiro ya Mokgatlho.
  9. Go tlhama melawana e e tlhokagalang e e tla diragadiwang ka gangwe,  e e ikaegileng ka  Molatheo o. Melawana eo e ka  neelwa kwa kopanong kakaretso kgotsa e e kgethegileng ya Mokgatlho (e e bileditsweng lebaka lona  le) go e tlhomamisa le /  kgotsa go e tlhabolola.

(10)Ngongorego nngwe le nngwe kgatlhanong le leloko la Boto e tla batlitlisiwa ke maloko a mangwe a Boto; fa e le gore go ya ka dipatlisiso tse,  maloko ao a bona e le sengwe sa potlako, ba  ka dira dikatlenegiso mo kopanong ya kakaretso ya Mokgatlho kgotsa go ka bidiwa kopano e e kgethegileng go baya katlenegiso fa pele ga Mokgatlho,mme kopano e tla tsaya tshwetso mabapi le katlenegiso ,go ka  tsaya tshwetso mabapi le kopo